MOLAOTLHOMO O O AKARETSANG WA GO ABELA BANTSHO DITHATA TSA MERERO YA IKONOMI
Jaaka o itsisitswe kwa Kokoanong Bosetšhaba e le Molaotlhomo wa karolo ya bo 75; tshobokanyo ya tlhaloso ya Molaotlhomo e phasaladitswe mo Kuranteng ya Semmuso ya Nomoro ya bo 24902 ya di 23 Motsheganong Diteng tsa Seesimane ke tsona diteng tsa semmuso tsa Molaotlhomo
TONA YA KGWEBO LE MADIRELO
B 27-2003 ISBN 0 621 33811 7
Palo ya dikhophi tse di gatisitsweng ... 1 800
MOLAOTLHOMO
Go tlhoma thulaganyo ya semolao ya go rotloetsa go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi; go abela Tona dithata tsa go golola dikhoutu tsa mekgwa ya go dira le go phasalatsa melawana ya diphetogo; go tlhoma Khansele ya Bogakolodi ka ga go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi; mmogo le go dira ditshiamelo tsa merero e e tsamaelanang natso.
KETAPELE
LE FA ka fa tlase ga puso ya kgethololo ka mmala lotso la motho le ne le dirisiwa go laola go fitlhelela metswedi ya ntsho ya dikuno le go fitlhelela kitso tsa Aforika Borwa;
LE FA ikonomi ya Aforika Borwa e santse e kgaphela thoko matshutitshuti a bontsi jwa batho ba yona gore ba se ke ba nna beng ba thoto e e sa sutisiweng le gore ba se ke ba nna le kitso e e tsweletseng pele;
LE FA ikonomi ya Aforika Borwa e santse e dira kwa tlase ga bokgoni jwa yona ka ntlha ya seelo se se kwa tlase sa letseno le le amogelwang le go ntshiwa ke bontsi jwa batho ba yona;
MME LE FA, kwa ntle ga go tsewa dikgato tse di atolositsweng tsa go oketsa go nna le seabe ka botlalo ga bontsi jwa batho ba Aforika Borwa mo mererong ya ikonomi, go tsepama ga maemo le go tswelela go atlega ga ikonomi mo isagweng go ka nyadiwa mo go tla lomeletsang Ma-Aforika Borwa otlhe, go sa kgathalesege lotso la motho;
MME GORE GO rotloediwe phitlhelelo ya ditshwanelo tsa molaotheo tsa go lekalekana ga batho, go oketsa go nna le seabe mo go atolositsweng ka botlalo le ka bokgoni ga batho ba bantsho mo mererong ya ikonomi le go rotloetsa seelo se se kwa godimo sa kgolo, go oketsega ga ditiro le go arogana letseno ka go lekalekana,
GO TLHAMIWA MOLAO ke Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa, ka mokgwa o o latelang:-
THULAGANYO YA MOLAO
Dikarolwana
Ditlhaloso
Maikaelelo a Molao
Go ranolwa Molao
Go tlhomiwa ga Khansele ya Bogakolodi ya go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi
Go tlhamiwa ga Khansele le go thapa ditokololo
Go busa le go duela ditshenyegelo
Dikhoutu tsa mekgwa ya go dira
Maemo a dikhoutu tsa mekgwa ya go dira
Melawana ya diphetogo
Ditirelo tsa go ema nokeng le go abela Khansele matlole
Melawana
Setlhogo se sekhutshwane le letlha la go simolola
Ditlhaloso
Mo Molaong o, kwa ntle ga fa diteng di tlhalosa ka mokgwa mongwe;
batho bantsho" ke lereo le le akaretsang le le tlhalosang Ma-Aforika, Ba-Mmala le Ma-India ba le bona e leng baagi ba Aforika Borwa kgotsa e le baagi ba leruri ba Rephaboliki;
Khansele" e tlhalosa Khansele ya Bogakolodi ya go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi e e tlhomilweng go ya ka karolo ya bo 4;
ditokololo" e tlhalosa ditokololo tsa Khansele;
Tona" e tlhalosa Tona ya Kgwebo le Madirelo;
setheo sa puso" e tlhalosa setheo sa puso jaaka se tlhalositswe mo karolong ya bo 239 ya Molaotheo;
go laola" go tlhalosa go laola ka melao; le
Molao o" o akaretsa khoutu nngwe le nngwe ya mokgwa wa go dira kgotsa melawana e e tlhamilweng ka fa tlase ga Molao o.
Maikaelelo a Molao
Maikaelelo a Molao o ke go-
a rotloetsa diphetogo mo mererong ya ikonomi go kgontsha batho bantsho go nna le seabe ka botlalo mo ikonoming;
b fitlhelela diphetogo ka botlalo mo go tlhameng lotso la bong le botsamaisi jwa thulaganyo ya dikgwebo tse di leng teng le tse dintšhwa;
c oketsa selekano se ka sona ditlhopha tsa baagi, badiri, dikgwebo tse di kopanetsweng le dikoporasi e leng beng le batsamaisi ba dikgwebo tse di leng teng le tse dintšhwa ka teng;
d rotloetsa mananeo a dipeeletso a a letlang go nna le seabe ka kakaretso le ka botlalo mo mererong ya ikonomi ga batho bantsho go kgontsha tlhabololo e e tswelediwang le katlego ka kakaretso; le e tlhabolola baagi ba kwa magaeng le go abela baagi ba tikologo ka go ba kgontsha go fitlhelela ditiro tsa merero ya ikonomi, lefatshe, mafaratlhatlha, bong le bokgoni.
Go ranola Molao
Motho mongwe le mongwe yo o diragatsang Molao o o tshwanetse go ranola ditshiamelo tsa ona gore-
a go nne le bokgoni mo maikaelelong a ona; le b go tsamaelana le Molaotheo.
Go tlhomiwa ga Khansele ya Bogakolodi jwa go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi
 Ka se go tlhomilwe Khansele ya Bogakolodi jwa go Abela Bantsho Dithata tsa
Merero ya Ikonomi.
Khansele e tshwanetse go gakolola Moporesidente ka ga go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi.
Go tlhamiwa ga Khansele le go thapa ditokololo
 Khansele e akaretsa Moporesidente le ditokololo tse dingwe di tla supiwang ke molaotheo wa Khansele.
Moporesidente ke modulasetulo wa Khansele.
Ka taelo Khansele e ka dira ditlamelo tse dingwe tsa molaotheo wa yona, paka ya nako ya go nna mo tirong ga ditokololo tsa yona, palo ya go tlhama khoramo, tsamaiso le morero mongwe le mongwe o o amang mokgwa wa yona wa go dira ditiro tsa yona.
Go busa le go duela ditshenyegelo
Tona, ka go rerisana le Tona ya Matlotlo, e ka sweetsa ka go busa le go duela ditshenyegelo tsa ditokololo tsa Khansele.
Dikhoutu tsa mekgwa ya go dira
 Tona e ka re ka kitsiso mo Kaseteng ya golola dikhoutu tsa mokgwa wa go dira ka ga go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi tse di ka akaretsang-
a go ranola le tlhaloso ya go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi;
b mokgwa wa selekanyetso sa go abela ka maikaelelo a go fitlhelela le ditiro tse dingwe tsa merero ya ikonomi;
c matshwao a go lekanyetsa selekano sa go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi;
d botlhokwa jo bo tshwanetseng go gokaganngwa le matshwao a selekano sa go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi a a umakilweng mo temaneng ya c;
e mekgwa ya go dira ya ditlhopha tse di nang le dikgatlhegelo mo makaleng a a tshwanetseng a ikonomi gore a kgone go tlhama melawana ya diphetogo tsa makala a tsona;
f mokgwa wa go bega le go itsise ka ga go diragatsa go abela bantsho dithata tsa merero ya ikonomi ga ditheo tsa puso, bathapi le dikgwebo tse dingwe; le g morero mongwe le mongwe o o tlhokagalang go fitlhelela maikaelelo a Molao o.
Khoutu ya mokgwa wa go dira e e golotsweng go tsamaelana le karolwana ya bo e ka tlhalosa-
a se se ikaeletsweng go tsamaelana le maikaelelo a Molao o; le b paka ya nako e se se ikaeletsweng se tshwanetseng go fitlhelelwa mo go yona.
Tona o tshwanetse gore; pele a golola, a tsenya sengwe mo boemong jwa se sengwe kgotsa a mametlelela khoutu ya mokgwa wa go dira mabapi le karolwana ya bo -
a a phasalatsa tlhamo ya khoutu ya mokgwa wa go dira kgotsa mametlelelo mo Kaseteng gore setshaba se tshwaele ka ga yona; le b go abela batho ba ba nang le dikgatlhegelo paka ya nako ya bonnye jwa malatsi a le 30 go tshwaela mo tlhamong ya khoutu ya mokgwa wa go dira kgotsa mametlelelo, go ya ka fa go tlhokafalang ka teng.
Maemo a dikhoutu tsa mekgwa ya go dira
Setheo sengwe le sengwe sa puso se tshwanetse go tsaya tsia khoutu nngwe le nngwe ya mokgwa wa go dira e e maleba le e e golotsweng go ya ka Molao o, mabapi le-
a go sweetsa mabaka a a matshwanedi fa go ntshiwa dilaesense, kgotsa dithata dingwe le dingwe mabapi le molao mongwe le mongwe; le b go tlhabolola le go diragatsa maitlhomo a maikaelelo a a tshwanetseng a go bona ditirelo.
Melawana ya diphetogo
Tona a ka phasalatsa mo Kaseteng tshedimosetso ya kakaretso le go rotloetsa melawana ya diphetogo ya lekala le le rileng la merero ya ikonomi leo-
a le tlhabolotsweng ke ditlhopha tsa botlhokwa tse di nang le dikgatlhegelo mo lekaleng leo; le b go tsweletsa pele dikgatlhgelo tsa Molao o.
Ditirelo tsa go ema nokeng le go abela Khansele matlole
 Lefapha la Merero ya Kgwebo le Madirelo le tshwanetse go abela Khansele ditirelo tsa botlhokwa tsa go e ema nokeng le matlole go tswa mo mading a a rebotsweng ke Palamente ka maikaelelo a.
Matlole a a umakilweng mo karolwaneng ya bo 1, a tshwanetse go dirisediwa-
a go tlhomiwa le ditshenyegelo tsa go dira tsa Khansele; le b go tlhabolola le go diragadiwa ga lenaane la ditlhaeletsano.
Melawana
Tona a ka nna a tlhama melawana mabapi le morero mongwe le mongwe o o botlhokwa wa go laela go netefatsa go diragadiwa ga Molao o ka tshwanelo.
Setlhogo se sekhutshwane le letlha la go simolola
Molao o o itsege e le Molao o o Akaretsang wa go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi wa 2003, mme o tla simolola go dira ka letlha le le tla sweediwang ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kaseteng.
MEMORANTAMO WA MAIKAELELO A MOLAOTLHOMO O O AKARETSANG WA GO ABELA BANTSHO DITHATA TSA MERERO YA IKONOMI
LEMORAGO
Ikonomi ya Aforika Borwa e ka se ke ya kgona go gola ka bojotlhe jwa yona ka ntlha ya fa bontsi jwa Ma-Aforika Borwa bo amogela letseno le le kwa tlase mme e bile bo santse bo kgaphetswe kwa thoko gore bo se ke ba nna beng ba thoto e e sa sutisiweng le go se nne le bokgoni jwa kitso e e tsweletseng kwa pele. Se se tla lomeletsa Ma-Aforika Borwa otlhe mme ka jalo go tshwanetse ga tsewa dikgato tsa botlhokwa go oketsa go nna le seabe ka botlalo mo ikonoming ga bontsi jwa Ma-Aforika Borwa.
Molaotlhomo o o Akaretsang wa go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi (o fa tlase o itsegeng e le "Molaotlhomo") ke nngwe ya dikgato di le mmalwa tse di tsewang ke Puso go rarabolola bothata jo.
Khansele ya Bogakolodi ka ga go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi (e fa tlase e itsegeng e le "Khansele") e tshikintswe go nna setheo sa dikgakololo. Ditirelo tsa go ema nokeng le go abela Khansele matlole di tla abiwa ke Lefapha la Kgwebo le Madirelo (le fa tla le itsegeng e le "DTI").
MAIKAELELO A MOLAOTLHOMO
Lereo la 'o o akaretsang'le dirisitswe mo Molaotlhomong ka Molaotlhomo o ikaelela go-
atolosa motheo o o akaretsang wa bogwebi;
atolosetsa mo bantshong go nna le seabe mo ikonoming jaaka go lekanyediwa mabapi le bong, botsamaisi le tlhabololo ya bokgoni;
tlhabolola baagi ba dikgaolo le badiri; le fokotsa go se lekalekane ga letseno le bohumanegi.
Maikaelelo a Molaotlhomo ke go-
rotloetsa diphetogo tsa merero ya ikonomi;
fetola tlhamo ya ga jaana ya lotso la bong le ditheo tsa botsamaisi jwa dikgwebo tse di leng teng le tse dintšhwa;
go oketsa bong le botsamaisi jwa ditlhopha tsa baagi, badiri le dikoporasi;
rotloetsa dipeeletso mo dikgwebong tse beng ba tsona le batsamaisi e leng batho ba bantsho;
go abela baagi ba kwa dikgaolong tsa magae le tikologo dithata.
MABAKA A GO DIRISA TŠHELETE GA PUSO MO MORERONG O
Go solofelwa gore ditokololo tsa Khansele di ka se ke tsa duelwa fa e se fela fa di busediwa ditshenyegelo tsa tsona le gore ditshenyegelo tsa go e tlhoma le ditiro tsa Khansele di tla duelwa mo ditekanyetsong tsa DTI.
MEKGATLHO E GO RERISANWENG LE YONA
Mekgatlho e e latelang e rerisitswe:
Khansele ya Dikgwebo tsa Bantsho
Setlhopha sa go Dira sa Dikgwebo tsa Bantsho
Setlhopha se Segolo sa go Dira sa Dikgwebo tsa Bantsho (NEDLAC)
MABAKA A A TSAMAELANANG LE MOLAOTHEO
Ga a yo ka gope.
MABAKA A A TSAMAELANANG LE MERERO YA TLHAELETSANO
Go tshikintswe gore GCIS (Setheo sa Lenaane la Tshedimosetso le Tlhaeletsano sa Puso) le DTI di tlhabolole lenaane le le anameng ka bophara la tlhaeletsano mabapi le go Abela Bantsho Dithata tsa Merero ya Ikonomi ka kakaretso le mo Molaotlhomong o ka totobalo.
MOKGWA WA GO DIRA KWA PALAMENTENG
Bagakolodi ba Puso ba Semolao le Lefapha la Merero ya Kgwebo le Madirelo ba supile fa Molaotlhomo o o tshwanetse go diragadiwa go tsamaelana le mokgwa wa go dira o o tlhomilweng go ya ka karolo ya bo 75 ya Molaotheo, ka o se na ditlamelo dipe tsa mokgwa wa go dira o o tlhalositsweng mo dikarolong tsa bo 74 kgotsa ya bo 76 go tsamaelana le Molaotheo.
